Petso ya Etomo
1 Ke mang
yo o tswang kwa Etomo,
kwa Bosera,
a apere diaparo tse dikhibidu?
Ke mang yo dikobo tsa gagwe
di galalelang, yo o gwantang
ka thata e kgolo ya gagwe?
“Ke nna yo ke buang
boammaaruri,
ke nonofile go pholosa!”
2 O hubiletseng diaparo?
Ke eng, fa dikobo tsa gago
di tshwana le tsa mogati
wa segatelo?
3 “Ke gatile segatelo ke le nosi,
go se morafe ope
o o nang le nna;
ka ba gataka ke le bogale,
ka ba pšhwetlakanya
ke galefile;
ke fa madi a bone a gasegela
mo diaparong tsa me,
ke kgotlela tsotlhe
tse ke di apereng.
4 Gonne letsatsi la pusoloso
le ne le le mo pelong ya me;
ngwaga wa go golola ba me
o ne o fitlhile.
5 Ke ne ka gadimela
kwa le kwa,
mme go se na mothusi,
ka gakgamala,
mme go se na
yo o ntshegetsang.
Ke fa letsogo la me le nthusa;
bogale jwa me jwa ntshegetsa.
6 Ka gataka merafe
ke le bogale,
ka ba tagisa ke galefile,
ka tsholelela madi a bone
fa fatshe.”
Thapelo ya boikwatlhao gore Modimo o ba golole jaaka borraabo kgale
7 Ke tla baka
mapelotlhomogi aMorena
le ditiro tse di tumileng
tsaMorena
jaaka go tshwanetse tsotlhe
tseMorenaa di re diretseng,
le molemo o mogolo
o o diretseng Baiseraele ka ona
go lekana le mautlwelo-botlhoko
a gagwe le mapelotlhomogi
a magolo a gagwe.
8 Gonne a re: “Kana bone ke morafe wa me, ke bana ba ba sa aketseng;” a ba a nna mopholosi wa bone
9 mo ditlalelong tsotlhe tsa bone; a ba thusa, e seng morongwi le e seng moengele, nnyaya, ene ka esi a ba golola ka lorato lwa gagwe le ka thekegelo ya gagwe; a ba tsholetsa, a ba belega ka malatsi otlhe a bogologolo.
10 Mme bona ba ganetsa, ba hutsafatsa Mowa o o Boitshepo wa gagwe; ke fa a ba fetogela mmaba, a tlhabana nabo ka esi.
11 Ke fa morafe wa gagwe o gopola malatsi a kgale a ga Moše, o re: “O kae yo o neng a ntsha modisa wa letsomane mo metsing? O kae yo o neng a tsenya Mowa o o Boitshepo wa gagwe mo teng ga gagwe?
12 O kae yo o neng a tsamaisa letsogo le le galalelang la gagwe mo ntlheng ya le le jang la ga Moše, a phatlola metsi fa pele ga bone gore a itirele leina le le sa khutleng?
13 Yo o neng a ba ralatsa madiba a metsi ba sa kgotšwe jaaka pitse, fa e ralala sekaka, ene o kae?”
14 Mowa waMorenao ba ikhutsisitse jaaka dikgomo di fologela kwa mokgatsheng. O gogile morafe wa gago jalo gore o itirele leina le le galalelang.
Thapelo ya go kopa kutlwelo-botlhoko le thuso
15 Okomela o le mo legodimong, o bone o le mo bonnong jwa gago jo bo boitshepo, jo bo galalelang! E kae tlhoafalo ya gago le ditiro tsa thata ya gago? A maikutlo a a mo teng ga gago le mapelotlhomogi a gago a se ntlogele!
16 Gonne wena o rraarona. Kana Aborahame ga a re itse le Iseraele ga a re lemoge. WenaMorenao rraarona. Mogolodi wa rona: Ke lone leina la gago go tswa bogologolo.
17 Morenake ka ntlhaang, fa o re leseletsa go fapoga mo ditseleng tsa gago; fa o thatafatsa dipelo tsa rona, mo re sa tlholeng re go boifa? Boa ka ntlha ya batlhanka ba gago le ka ntlha ya ditso tse e leng boswa jwa gago!
18 Morafe o o boitshepo wa gago o ne o ruile naga e sebakanyana fela; ba ba re pitlaganyang ba gatakile Felo ga gago ga Boitshepo.
19 Re fetogile ra tshwana le ba o iseng o ke o ba buse ka gope; ba ba iseng ba bidiwe ka leina la gago.