JESAYA 54

Kgolagano e ntšhwa ya Modimo le Iseraele

1 Duduetsa, wena moopa

yo o iseng o ke o belege;

ponyega o duduetse, o ipele,

yo o sa segwang ke metlotsedi.

Gonne bana ba yo o esi

ba bantsi go feta

bana ba yo o nyetsweng.

Morenao buile jalo.

2 Katolosa manno a tente

ya gago;

a ba tsharolole

masela a meago ya gago.

Se rekegele,

o leelefatse megala

ya tente ya gago,

o kokotelele dimapo tsa gago

thata.

3 Gonne o tla anamela

mo ntlheng ya le le jang

le mo go ya la molema.

Losika lwa gago

lo tla rua ditšhaba;

metse e e neng e le marope

lo tla e tlatsa batho.

4 Se boife, gonne ga o nke

o tlhajwa ke ditlhong;

se tlhajwe ke kgala,

gonne ga o nke o tlhonya.

Gonne o tla lebala

ditlhong tsa bošwa jwa gago,

o sa tlhole o gakologelwa

kgobo ya botlholagadi

jwa gago.

5 Gonne yo o go dirileng

ke monna wa gago.

Leina la gagwe

keMorenawa masomosomo.

Mogolodi wa gago

ke Moitshepi wa Iseraele.

Ene o tla bidiwa Modimo

wa lefatshe lotlhe.

6 GonneMorenao go biditse

o le jaaka mosadi

yo o tlogetsweng,

yo o pelo e botlhoko;

o le jaaka mosadi

wa sebaka sa bošwa,

fa a nyatsega.

Modimo wa gago o buile jalo.

7 “Ke ne ke go tlogetse

sebakanyana

se sekhutshwanyane,

mme ke tla go phutha

ka mautlwelo-botlhoko

a magolo.

8 E rile ke tuka bogale,

ka go fitlhela

sefatlhego sa me sebakanyana,

mme ke tla go utlwela

botlhoko ka bopelotlhomogi

jo bo sa khutleng.”

Morena, Mogolodi wa gago,

o buile jalo.

9 “Gonne tseo di tshwana

le malatsi a ga Noa mo go nna.

Ke ikanne ka re:

Metsi a ga Noa

ga a kitla a tlhola

a ralala lefatshe.

Jaanong ke ikanne jalo ka re:

Ga nkitla ke go galefela

le e seng go go kgalemela.

10 Le fa dithaba di ka suta,

le fa dithabana di ka reketla,

bopelotlhomogi jwa me

ga bo kitla bo tloga

mo go wena;

kgolagano ya me ya kagiso

ga e kitla e reketla.”

Morenayo o go utlwelang

botlhoko o buile jalo.

Jerusalema o mošwa

11 “Wena yo o tlhomolang pelo,

yo o tebelwang ke ledimo,

yo o sa gomodiwang, bona,

ke tla tshwaraganya mafika

a dipota tsa gago

ka mmu o o phatsimang;

ke thaya metheo ya gago

ka mafika a matala.

12 Ditlhoa tsa matlo a gago

ke tla di dira

ka mafika a mahibitswana,

le dikgoro tsa gago

ka mafika a mahibidu,

le lobota lotlhe lwa gago

ka majwana a a rategang.

13 “Bana botlhe ba gago

e tla nna barutwa baMorena.

Kagiso ya bana ba gago

e tla nna kgolo.

14 O tla tlhomamisiwa

ka tshiamo.

O tla nna kgakala le pitlagano,

ee, ga o na go boifa sepe,

o le kgakala le therego,

ee, ga e na go go atamela.

15 Le fa ba ka tsosa ntwa,

ga e tswe mo go nna.

Mme yo o go tlhaselang

o tla wa a ntse a tlhabana nao.

16 “Bonang, ke nna

yo ke tlhodileng

mothudi yo o ubelang

mo molelong wa magala,

a thula sebolai

ka botswerere jwa gagwe;

le gona ke nna

yo ke tlhodileng

mosenyi gore a se senye gape.

17 Sebolai sengwe le sengwe

se se thulwang

gore se tlhabane nao,

ga se nke se kgona sepe.

Loleme longwe le longwe

lo lo go tsogelang mo tshekong

o tla lo fenya kganetsanyong.

Ke jona boswa jwa batlhanka

baMorena

le tshiamelo ya bone

e e tswang mo go nna.”

Morenao buile jalo.