Modimo o tla golola Jerusalema
1 Thanya, thanya,
o apare thata ya gago,
wena Sione!
Apara diaparo tsa gago
tsa mokgabo,
wena Jerusalema,
motse o o boitshepo!
Gonne ga go kitla go tlhola
go tsena ba ba sa rupang
le ba ba itshekologileng
mo go wena.
2 Tsoga o itlhotlhore lerole,
wena Jerusalema
yo o leng motshwarwi;
dikgole tse di mo molaleng
wa gago di bofologile,
wena morwadia Sione
yo o golegilweng.
3 GonneMorenao bua jaana
a re: “Lo rekisitswe
e seng ka sepe;
le gona lo tla rekololwa
kwa ntle ga selefera.”
4 Gonne Morena Modimo
o bua jaana a re:
“Mo metlheng ya pele
morafe wa me o ne wa falalela
kwa Egepeto,
ba nna baeng gona.
Asiria le ene o o gateletse
ka bomo.”
5 Mme jaanongMorenaa re:
“Ke fitlhela eng fano?
Morafe wa me o thopilwe fela.
Barena ba ba pelompe ba ona
ba omana ka tlhodio.
Mme leina la me le tlhola
le kgalwa ka gale
ka letsatsi lotlhe.”
Morenao buile jalo.
6 “Ka moo morafe wa me
o tla itse leina la me
ka letsatsi leo;
o lemoga fa e le nna
yo ke buang ke re: Ke fano.”
7 Di dintle jang mo dithabeng
dinao tsa morongwi
yo o itumedisang,
yo o utlwatsang kagiso,
yo o begang
mafoko a a molemo,
yo o bolelang pholoso,
a raya Sione a re:
“Modimo wa gago ke kgosi.”
8 Reetsang! Batlhodi ba gago
ba tsholetsa mantswe mmogo,
ba duduetsa;
gonne ba tla bona ka matlho,
ba lebaganye nae,
faMorenaa boela kwa Sione.
9 Ponyegang
lo duduetse mmogo,
lona marope a Jerusalema;
gonneMorenao gomoditse
morafe wa gagwe,
a golola Jerusalema.
10 Morenao semile letsogo
le le boitshepo la gagwe
fa pele ga matlho
a ditšhaba tsotlhe.
Mme dikhutlo tsotlhe
tsa lefatshe
di tla bona pholoso
ya Modimo wa rona.
11 Hudugang, hudugang,
tlogang gona!
Se ameng
tse di itshekologileng.
Tswayang mo gare ga bone.
Iphepafatseng,
lona ba lo rweleng
dijana tsaMorena.
12 Gonne ga lo na go huduga
ka potlako,
ga lo na go tsamaya
jaaka batshabi.
GonneMorena
o tla lo etelela pele,
mme yo o lo salang morago
ke Modimo wa Iseraele.
Motlhanka wa Morena o a kokobediwa pogisong, a ba a godisiwa gape
13 “Bonang, motlhanka wa me,
o tla tlhogonolofala;
o tla tsholediwa,
a godisiwa,
a nna mogolo thata.
14 Ba bantsi
ba ne ba mo gakgamalela
ka poifo –
ka sefatlhego sa gagwe
se ne se senyegile,
se tshwanologa
mo go sa motho;
ka popego ya gagwe
e sa tshwane le ya batho.
15 O tla gakgamatsa
ditšhaba tse dintsi jalo.
Dikgosi
di tla mo momela melomo.
Gonne tse ba sa di bolelelwang
ba a di bona;
le tse ba iseng ba di utlwe
ba a di tlhaloganya.”