Tatlhego ya Babele
1 “Fologa o nne mo leroleng,
wena lekgarebe,
morwadia Babele;
nna fa fatshe o se na bogosi,
morwadia Bakalatea.
Gonne ga o kitla o tlhola
o bidiwa morategi
le wa tlekeetso.
2 Tsaya tshilo, o sile bupe;
apola lesire la gago,
tsholetsa diaparo,
ikapole dirope, o tshele dinoka!
3 A bosaikatega jwa gago
bo senolwe,
a ditlhong tsa gago di bonale!
Ke tla busolosa,
ke sa rekegele motho.”
4 Leina la Mogolodi wa rona
keMorenawa masomosomo,
Moitshepi wa Iseraele.
5 “Nna fatshe o didimale,
o tsene mo lefifing,
morwadia Bakalatea.
Gonne ga o kitla o tlhola
o bidiwa
‘Mohumagadi wa magosi’.
6 E rile ke galefela morafe wa me,
ke itshepolola boswa jwa me,
ka o neela mo seatleng sa gago.
Ga o ba direle
ka kutlwelo-botlhoko.
O imetsa batsofe thata
ka joko ya gago.
7 O a re:
‘Ke tla nna jalo ka bosakhutleng,
ke le mohumagadi ka gale.’
Dilo tseo ga o a di akanya
mo pelong,
ga o a gopola
bokhutlo jwa tsona.
8 “Jaanong utlwa tseo,
wena yo o lemetseng,
yo o dutseng o iketlile,
o ithaya mo pelong o re:
‘Ke nna, ga go na ope o sele.
Ga nkitla ke phela
ke le motlholagadi.
Go tlhoka bana
ga nkitla ke go itse.’
9 Mme botlholagadi
le go tlhoka bana,
tseo di tla go dirafalela ka bobedi
jwa tsona ka tshoganyetso
ka letsatsi le le lengwe,
di go wela ka botlalo;
le fa mereo ya gago e le mentsi,
le dipheko tsa gago
di na le thata e kgolo;
10 le fa o ne wa ikanya bolotsana
jwa gago wa re:
‘Ga go na yo o mponang.’
“Botlhale jwa gago
le kitso ya gago
tsona di go timeditse,
wa ithaya mo pelong wa re:
‘Ke nna, ga go na ope o sele.’
11 Mme kotsi e tla go dirafalela,
o sa itse go e thibela ka mereo;
tatlhego e tla go wela,
o sa kgone go iphemela
ka ditlhabelo;
tshenyego e tla go wela
ka tshoganyetso, o sa itse.
12 A ko o ikemise ka dipheko
tsa gago
le ka bontsi jwa mereo ya gago,
tse o itapisitseng ka tsona
go tswa bonyaneng jwa gago!
Ka gongwe o tla itse go thusa;
ka gongwe o ka tshosa bangwe.
13 O itapisitse ka maano
a mantsi a gago.
A ba ba lomologanyang
legodimo, le balepi ba dinaledi
ba ba itsiseng ka ngwedi
mongwe le mongwe o o rogwang
tse di tla go dirafalelang,
ba ikemise, ba go thuse!
14 “Bonang, ba tshwana le dirite.
Molelo o a ba fisa.
Ga ba nke ba pholosa maphelo
a bone mo kgabong.
Kana ga se magala a go ikomosa,
ga se molelo o o orwang!
15 Ba o itapisitseng ka bone,
wa rekisanya nabo
go tswa bonyaneng jwa gago,
o na le go ba tlhoboga le
bone.
Mongwe le mongwe
o tla itsamaela, a go tlogela,
go se na yo o go pholosang.”