Morena ke Modimo o le osi
1 “Mme jaanong utlwa, Jakobe,
motlhanka wa me,
le wena Iseraele
yo ke mo itlhaoletseng.
2 Morenayo o go dirileng,
a go bopa o sa le mo mmeleng
wa ga mmaago;
Morenayo o go thusang
o bua jaana a re:
Se boife, Jakobe,
motlhanka wa me,
le wena Ješurune
yo ke mo itlhaoletseng.
3 “Gonne ke tla tshela metsi
mo nageng e e nyorilweng,
ke eledisa dinokana
mo nageng e e omeletseng.
Ke tla tshela Mowa wa me
mo baneng ba gago le lesego
la me mo losikeng lwa gago.
4 Mme ba tla tlhoga
jaaka bojang
le jaaka menwametsi
e e fa dinokaneng.
5 “Mongwe o tla re:
‘Ke waMorena’;
yo mongwe o tla ipitsa
ka leina la Jakobe;
yo mongwe gape o tla kwala
mo letsogong la gagwe a re:
‘Ke waMorena,’
a ba a ikokeletsa leina
la Iseraele.”
Boithamako jwa medimo e sele
6 Morena, Kgosi ya Iseraele,
Mogolodi wa gagwe,
Morenawa masomosomo
o bua jaana a re:
“Ke nna wa ntlha,
le gona ke nna wa bofelo.
Ga go na modimo ope
kwa ntle ga me.
7 Ke mang yo o ka bolelelang
ditirafalo pele jaaka nna,
fa e sa le ke nnisa morafe
wa bogologolo mo lefatsheng?
A a di itsise, a di bee fa pele
ga me ka thulaganyo!
Le gona a ba itsise tse di kwa
pele le tse di tla dirafalang.
8 Se reregeng, lo se boife!
A ga se go tswa bogologolo
ke ntse ke lo utlwisa
le go lo itsise
tse di tla dirafalang?
Lo basupi ba me.
A go na le Modimo
kwa ntle ga me?
Nnyaya, ga go na lefika le sele.
Ga ke itse lepe.”
Medimo ga se ya sepe
9 Botlhe ba ba bopang medimo e sele ke ba boithamako fela; diratiwa tsa bone ga di thuse sepe. Basupi ba tsona ga ba bone sepe, ga ba itse sepe, mme ba tla tlhajwa ke ditlhong.
10 Kana ke mang yo o a tleng a betle modimo o sele le go bopa setshwantsho sa modimo o o sa thuseng sepe?
11 Bonang, botlhe ba ba o ineelang ba tla tlhajwa ke ditlhong. Babopi ba ona ke batho fela. A ba kgobokane botlhe ba eme! Ba tla tshoga, ba tlhajwa ke ditlhong ba botlhe.
12 Mothudi o dira modimo ka tshipi le magala, a o batole ka dinoto, a o dire ka letsogo le le thata la gagwe. Le gona o bolawa ke tlala, a fele thata; ga a nwe metsi, a ba a lape.
13 Mmetli wa dikgong o gagamatsa thapo, a thala setshwantsho sa ona ka sethadi, a o seta ka phalo, a o tshwaya ka selekanyi, a dira setshwantsho sa monna, sa motho yo montle gore se nne mo ntlong.
14 O ithemela mesetere, a tlhophe motswere gongwe setlhare se sengwe, a se ikgodisetse mo ditlhareng tsa sekgwa. O tlhoma ditlhare tsa paina, mme pula e di godise,
15 di thuse motho, a gotse molelo ka tsona. O tsaya tse dingwe, a ore molelo ka tsona. Le gona o a di tshuma gore a apee bogobe. Ee, le gona o dira modimo ka tsona gore a o obamele. O dira modimo wa seseto ka tsona gore a khubame fa pele ga ona.
16 Ntlhanngwe ya tsona o e fisa ka molelo, a bese nama mo magaleng a ona, a je nama, a kgore; le gona o a ikomosa a re: “Ahee! Ke orile, ke utlwile bolelo.”
17 Mme kota e e setseng a dire modimo ka yona, modimo wa seseto wa gagwe; a khubame fa pele ga ona, a o obamele, a o rapele a re: “Mpholose, gonne o modimo wa me!”
18 Ga ba itse sepe, ga ba lemoge sepe; gonne matlho a bona a thibilwe gore ba se ka ba bona; dipelo tsa bone di thatafaditswe gore ba se ka ba tlhalefa.
19 Ga ba akanye ka pelo; ga go na kitso, le fa e le tlhaloganyo, gore ba ipotse ba re: “Ntlhanngwe ya tsona ke di fisitse ka molelo; le gona ke apeile bogobe, ka besa nama mo magaleng a ona, ka ja. Jaanong a nka dira ntlhanngwe ya tsona maila, ka khubama fa pele ga kota ya setlhare?”
20 Yo o ineelang molora o timeditswe ke pelo e e tsietsegileng; ga a nke a pholosa mowa wa gagwe; ga a botse gore: “A ga go na maaka mo seatleng sa me se se jang?”
Morena ke Motlhodi le Mopholosi
21 “Gakologelwa dilo tse,
wena Jakobe,
le wena Iseraele,
gonne o motlhanka wa me.
Ke go bopile.
O motlhanka wa me.
Iseraele, ga ke go lebale!
22 Ke phimotse maleo a gago
jaaka maru
le dibe tsa gago jaaka mouwane.
Boela kwa go nna,
gonne ke go golotse!”
23 Duduetsang, lona magodimo,
gonneMorenao dirile jalo;
tlhabang mokgosi,
lona madiba a lefatshe!
A go ipele dithaba le sekgwa
le ditlhare tsotlhe
tse di mo go sona!
GonneMorena
o rekolotse Jakobe;
o tla ikgalaletsa mo go Iseraele.
24 Morena, Mogolodi wa gago,
yo o go bopileng go tswa
mo mmeleng wa ga mmaago,
o bua jaana a re:
“Ke nnaMorena
yo o dirileng dilo tsotlhe.
Ka phutholola legodimo
ke le nosi.
Ka ala lefatshe –
yo o neng a na le nna ke mang?
25 Ke nna yo ke nyeletsang
ditshupo tsa baporofeti
ba tsietso,
ke dira baitseanape ditlaela;
ke nna ke busetsang matlhale
kwa morago,
ke fetola kitso ya ona bosilo fela.
26 Ke nna yo ke dirafatsang
lefoko la motlhanka wa me,
ke fetsa maikaelelo a a begilweng
ke barongwi ba me,
ke raya Jerusalema ke re:
‘Agiwa!’
le metse ya Juta, ke re:
‘Agiwang!’
Ke nna ke tsosang
marope a teng.
27 Ke nna yo ke rayang
boteng jwa Ferathe ke re:
‘Kgala!
Ke tla kgadisa dinoka tsa gago.’
28 Ke nna ke buang ka ga Korese
ke re: ‘Ke modisa wa me.
O tla fetsa tsotlhe
tse di nkgatlhang,’
a raya Jerusalema a re: ‘Agiwa!’
A raya Tempele a re: ‘Thaiwa!’ ”