JESAYA 43

Modimo o tla golola batho ba ona, o ba itshwarela

1 Mme jaanongMorenayo o go tlhodileng, Jakobe, yo o go bopileng, Iseraele, o bua jaana a re:

“Se boife, gonne ke go golotse,

ke go biditse ka leina la gago!

O wa me.

2 Fa o tshela metsi, ke na nao;

le dinoka, ga di na go go tsaya.

Fa o ralala molelo, ga o nke

o šwa; kgabo ga e nke e go fisa.

3 Gonne nnaMorena

ke Modimo wa gago;

nna Moitshepi wa Iseraele

ke mopholosi wa gago.

Ke dirile Egepeto

serekololo sa gago,

ka ntsha Ethiopia le Seba

boemong jwa gago.

4 E re ka o kaega segolo

mo matlhong a me,

o le yo o tlotlegang,

yo ke go ratang,

ka moo ke tla ntsha batho

boemong jwa gago le merafe

boemong jwa bophelo jwa gago.

5 Se boife, gonne ke na nao.

“Ke tla tlisa losika lwa gago

go tswa kwa botlhabatsatsi;

ke go phutha go tswa

kwa bophirimatsatsi.

6 Ke tla raya bokone ke re:

‘Rebola!’

le borwa ke re: ‘Se thibele!’

Tlisa bomorwaake go tswa

kgakala

le bomorwadiake

go tswa bokhutlong jwa lefatshe,

7 e bong mongwe le mongwe

yo o bidiwang ka leina la me,

yo ke mo tlholetseng

go nkgalaletsa;

ka mmopa, ee, ka mo dira.

8 “Ntshang morafe o o foufetseng,

le fa matlho a le teng;

le ba ba disusu,

le fa ba na le ditsebe.

9 A ditšhaba tsotlhe

di phuthege mmogo,

a merafe e kgobokane!

Ke mang mo go bone

yo o ka re begelang tseo?

A ba re utlwise dilo tsa kgale!

A ba ntshe basupi ba bone gore

ba fitlhelwe ba le mo nneteng.

A bone ba utlwe, ba bue ba re:

‘Ke nnete.’ ”

Baiseraele ke basupi ba Morena

10 Morenao bua a re:

“Lona lo basupi ba me,

le motlhanka wa me,

yo ke mo itlhaoletseng,

gore lo itse, lo ntumele,

lo lemoge, fa e le nna.

Ga go a bopiwa modimo ope

pele ga me;

le gona ga go nke go nna ope

morago ga me.

11 “Ke nna, ke nnaMorena!

Ga go na mopholosi ope

kwa ntle ga me.

12 Ke nna yo ke begileng,

ka pholosa,

ka utlwatsa,

go se na modimo o sele

mo go lona.”

Morenao buile a re:

“Lona lo basupi ba me,

mme nna ke Modimo

go tswa bosenatshimologo.

13 Le go tswa fano

e tla bo e le nna,

go se na ope yo o ka pholosang

mo seatleng sa me.

Ke tla dira tiro –

e ka thibelwa ke mang?”

Phologo ya Baiseraele kwa Babele

14 Morena, Mogolodi wa lona, Moitshepi wa Iseraele, o bua jaana a re:

“Ke rometse kwa Babele

ka ntlha ya lona,

mme ke tla folosetsa

batshabi botlhe, e leng Bakalatea,

kwa mekorong e ba neng

ba duduetsa mo go yona.

15 Ke nnaMorena,

Moitshepi wa lona,

yo o tlhodileng Iseraele,

ke Kgosi ya lona.”

16 Go bua jaanaMorenayo o neng

a ntsha tsela mo lewatleng

le mmila mo metsing a magolo;

17 yo o neng a bolotsa dikoloi

tsa ntwa le dipitse le lesomo

la batlhabani le diganka –

ba namaletse fa fatshe botlhe,

ga ba nke ba tlhola ba tsoga;

ba fedile, ba timile jaaka mogala

wa lobone – a re:

18 “Se gakologelweng ditirafalo

tsa bogologolo!

Se tlhokomeleng

tse di neng di dirafala kgale!

19 Bonang, ke tla dira tse dintšhwa.

Di setse di simologile.

A ga lo di lemoge?

Ee, ke tla dira tsela mo sekakeng

le dinoka mo nageng

e e omeletseng.

20 Diphedi tsa naga di tla ntlotla

le diphokojwe le bontšhwe;

gonne ke tla ntsha metsi

mo sekakeng le dinoka

mo nageng e e omeletseng

go nosa morafe wa me

o ke o itlhaoletseng;

21 e leng morafe o ke o ipopetseng

gore ba bolele pako ya me.”

Boitshwarelo ke eng?

22 “Kana wena, Jakobe,

ga o a ka wa mpitsa!

Kana wena, Iseraele,

ga o a ka wa itapisa

ka ntlha ya me!

23 Ga o a ntlisetsa dinku

tsa ditlhabelo tsa gago

tse di fisiwang;

ga o a ntlotla ka ditlhabelo

tse di jewang tsa gago.

Ga ke a go imetsa

ka go batla ditshupelo tsa dijo;

ga ke a go lapisa

ka go batla tshupelo ya musi.

24 Ga o a nthekela

letlhaka le le nkgang monate

ka madi;

ga o a nkgorisa

ka mafura a ditlhabelo tsa gago!

Nnyaya! O ntshwarisitse makete

fela ka maleo a gago,

wa ntapisa ka melato ya gago.

25 Ke nna, ke nna yo ke phimolang

dibe tsa gago;

ke ka ntlha ya me,

fa ke sa tsotelele maleo a gago.

26 Nkgakolola, a re sekisanye;

bolela o itshupe, fa o le mosiami.

27 Rraago wa ntlha o leofile;

baemedi ba gago ba ikepile

mo go nna.

28 Ke ka moo ke itshepolotseng

dikgosana tse di boitshepo,

ka neela Jakobe mo khutsong

ya go latlhega,

le Iseraele mo dikgobong.