Motlhanka wa Morena
1 “Bonang,
motlhanka wa me ke yoo,
yo ke mo tshegetsang;
le moitlhaolelwa wa me
yo o natefelang pelo ya me.
Ke mo neile Mowa wa me.
O tla ntshetsa tshiamo
kwa merafeng.
2 Ga a kitla a goa
le e seng go tsholetsa lentswe
le e seng go le utlwatsa
mo mmileng.
3 Ga a kitla a roba lotlhaka
lo lo pšhwetlegileng;
ga a kitla a tima mogala
wa lobone o o takatakang,
mme o tla tlisa tshiamo ka nnete.
4 Ga a nke a koafala
le e seng go lapa
go tsamaya a tlhome tshiamo
mo lefatsheng
le go tsamaya ditlhakatlhake
di lebelele thuto ya gagwe.”
5 ModimoMorena
yo o tlhodileng legodimo,
a le phutholola;
yo o adileng lefatshe
le tse di tlhogang mo go lone;
yo o nayang batho
ba ba mo go lone bophelo,
ba ba tsamayang mo go lone
mowa, o bua jaana a re:
6 “NnaMorena,
ke go biditse ka tshiamo,
ka tshwara seatla sa gago,
ka go boloka,
ka go dira kgolagano ya morafe
le Modimo le lesedi la merafe
7 gore o budulole matlho a difofu,
o ntshe batshwarwi
mo botshwarong,
le ba ba ntseng mo lefifing
mo ntlong ya kgolegelo.
8 “Ke nnaMorena,
ke lone leina la me!
Mme kgalalelo ya me
ga nkitla ke e naya ope o sele,
le e seng go naya
medimo ya diseto tlotlo ya me.
9 Bonang,
dilo tsa polelelopele di dirafetse!
Mme tse dintšhwa ke a di bega,
ke di lo bolelela
di ise di simologe.”
10 OpelelangMorenasefela
se sešwa le tumiso ya gagwe
kwa bokhutlong jwa lefatshe,
lona ba lo tsamayang
mo lewatleng
le tse di tletseng mo go lone;
lona ditlhakatlhake
le ba ba agileng mo go tsona!
11 A go kue naga le metse ya yona
le metsana e Baketare
ba agileng mo go yona;
a go duduetse
ba ba agileng mo dikgageng,
a ba tlhabe mokgosi
mo ditlhoeng tsa dithaba!
12 A ba neeMorenatlotlo,
ba utlwatse pako ya gagwe
mo ditlhakatlhakeng!
13 Morenao tla bolola jaaka
mogale,
a tlhotlheletsa tlhoafalo
jaaka motlhabani.
O tla tlhaba mokgosi
wa tlhabano,
ee, o tla duma,
a fenya baba ba gagwe a re:
Modimo o solofetsa Baiseraele thuso
14 “Ga ke bolo go didimala,
ke iketlile, ke itshwere.
Mme jaanong ke tla goa
jaaka mosadi yo o belegang,
ke budula ke be ke fegelwa.
15 Ke tla fetola dithaba
le meboto sekaka,
ke omeletsa tsotlhe
tse di tlhogang mo go tsona;
ke tla ntsha ditlhakatlhake
mo dinokeng,
ke kgadisa megobe.
16 “Ke tla goga difofu mo tseleng
e di sa e itseng,
ke di tsamaisa mo ditselaneng
tse di iseng di di gate.
Ke tla fetola lefifi lesedi
fa pele ga tsona,
le naga e e magwata lebala.
Dilo tse ke tla di dira.
Ga nkitla ke di lesa.
17 Mme ba ba ikanyang
medimo ya diseto,
ba ba rayang medimo
e e bopilweng ba re:
‘Lo medimo ya rona’ –
ba tla boela kwa morago,
ba tlhajwa ke ditlhong.”
Batho ba leofile, Modimo o boitshwarelo
18 “Utlwang, lona disusu!
Lona difofu,
lebang kwano gore lo bone!
19 Ke mang yo o foufetseng
fa e se motlhanka wa me?
Ke mang yo o thibetseng ditsebe
jaaka morongwi wa me
yo ke mo romang?
Go foufetse mang
jaaka tsala e e ikanyegang?
Ke mang yo o sesusu
jaaka motlhanka waMorena?
20 O bonye dilo tse dintsi,
mme ga o a di ela tlhoko;
o ne o sa thibala ditsebe,
mme wa se ka wa utlwa.”
21 Go ne go kgatlhaMorena
ka ntlha ya tshiamo ya gagwe
go godisa thuto le go e galaletsa.
22 Mme jaanong ke morafe
o o thukhuthilweng,
o o thopilweng.
Ba tshwerwe botlhe
mo digopong,
ba fitlhwa mo matlong
a kgolegelo;
ba thukhuthwa
go se na yo o pholosang;
ba thopiwa go se na yo o reng:
“Tsere!”
23 Ke mang mo go lona
yo o tla sekegelang dilo tseo
tsebe,
a tlhokomela,
a tlhalefela sebaka se se tlang?
24 Ke mang yo o neetseng Jakobe
go thopiwa,
a neela Iseraele
mo dinokwaneng?
A ga seMorena
yo re mo leofetseng;
yo ba neng ba sa rate go sepela
mo ditseleng tsa gagwe,
yo ba ganneng go utlwa
molao wa gagwe?
25 Ke ka moo o ba goromeleditseng
bogale jwa gagwe jo bo tukang
le bokete jwa ntwa,
a bo tukisa mo tikologong
ya bone,
mme ba sa lemoge sepe;
jwa ba fisa, mme dipelo tsa bona
di sa tlhokomele sepe.