Bolwetse jwa ga Hesekia le go fola ga gagwe
1 Mo metlheng eo Hesekia o ne a lwala la go swa. Ke fa moporofeti Jesaya, morwa Amotse, a tla kwa go ene, a mo raya a re: “Morenao bua jaana a re: ‘Laela ba lapa la gago! Gonne o tla swa; ga o kitla o phela.’ ”
2 Ke fa Hesekia a gadimela kwa loboteng, a rapelaMorena
3 a re: “AoMorena, a ko o gakologelwe ka fa ke sepetseng ka teng fa pele ga gago ka boammaaruri le ka pelo yotlhe, ka dira tse di molemo mo matlhong a gago.” Hesekia a ba a lela thata.
4 Ke fa lefoko laMorenale fitlha kwa go Jesaya le re:
5 “Yaa o ree Hesekia o re: ‘Morena, Modimo wa ga Dafita rraago, o bua jaana a re: Ke utlwile thapelo ya gago, ka bona dikeledi tsa gago. Bona, ke tla okeletsa malatsi a gago dinyaga di le 15.
6 Le gona ke tla go pholosa mmogo le motse o, mo seatleng sa kgosi ya Asiria; ke tla femela motse o.’
7 “Jaanong sesupo se se tswang moMoreneng, se se tla go supetsang, faMorenaa tla dirafatsa lefoko le a le buileng, ke se:
8 Bona, ke tla busa moriti wa letsatsi mo go sesupa-nako sa ga Ahase dikgato di le some, tse o setseng o di fetile!” Ke fa moriti wa letsatsi o boa dikgato di le some, tse o setseng o di fetile.
9 E rile Hesekia, kgosi ya Juta, a sena go lwala le go fola gape, a kwala lokwalo lo lo reng:
10 “Ke ne ke rile: ‘Ke na le go ya
kwa dikgorong tsa felo ga baswi
ke sa le motho yo mošwa.
Ke otlilwe ka go kgaolelwa
dinyaga tsa me tse di setseng.’
11 Ke rile: ‘Ga nkitla ke tlhola
ke bonaMorenamo lefatsheng
la ba ba phelang;
ga nkitla ke tlhola ke leba batho
mo baaging ba lefatshe.
12 Boago jwa me bo rutlilwe,
bo tlositswe mo go nna
jaaka mogope wa badisa;
ke menne bophelo jwa me
jaaka mologi a mena masela.
Morenao nkgaotse
mo morutseng.
O fedisitse bophelo jwa me
e sa le motshegare,
bosigo bo ise bo tle.’
13 Ke ne ke re ke ikgomotsa
go fitlha mosong,
mme a roba marapo otlhe a me
jaaka tau.
O fedisitse bophelo jwa me
e sa le motshegare,
bosigo bo ise bo tle.
14 Ke ne ka lela jaaka peolwane
le mogolori, ka lela jaaka leeba.
Matlho a me a ne a lelala
a lapile,
ka re: ‘Morena,
ke mo pitlaganong, nkemele!’
15 Ke tla reng?
Tse o di ntsholofeditseng
o di dirafaditse.
Ke tla sepela ka boiketlo
mo dinyageng tsotlhe tsa me
ka ntlha ya botlhoko
jwa mowa wa me.
16 “Morena, ba tla phela
ka ntlha ya ditsholofetso tseo.
Bophelo jwa mowa wa me
bo mo go tsona fa gotlhe.
O mphodisitse, wa mphedisa.
17 Bona, bogalaka,
ee, bogalaka jo bogolo
bo mphetogetse kagiso.
Wena o ratile mowa wa me,
wa nntsha mo moleteng
wa nyelelo;
gonne o latlhetse maleo otlhe
a me kwa morago ga gago.
18 Gonne felo ga baswi
ga go go leboge.
Loso ga lo go tumise.
Ba ba fologetseng kwa moleteng
ga ba solofele boammaaruri
jwa gago.
19 Nnyaya, ke mophedi,
ke ene fela yo o go lebogang
jaaka nna kajeno.
Rra-bana o tla itsise bana
boammaaruri jwa gago.
20 Morenake yo o nthusang;
ke ka moo re tla letsang diletso
ka malatsi otlhe
a bophelo jwa rona
mo Ntlong yaMorena.”
21 Jesaya o ne a laetse gore ba tlise molemo o o tutetsang wa difeie, ba o bee mo tlhagaleng gore a tle a fole.
22 Hesekia o ne a boditse a re: “Ke eng se se ntshupetsang, fa ke tla ya gape kwa Ntlong yaMorena?”