BAHEBERE 11

Popego ya tumelo. Dikao tsa kgolagano e kgologolo

1 Jaanong tumelo ke go ikanya dilo tse di solofelwang le go tlhomamisa dilo tse di sa bonweng.

2 Gonne ba bogologolo ba bonye tshupo ka ntlha ya yona.

3 Ke ka tumelo re tlhaloganyang gore lefatshe le dirilwe ka Lefoko la Modimo; ke go re, dilo tse di bonwang ga di a ka tsa dirwa ka dilo tse di bonalang.

4 Ke ka tumelo Abele a ntsheditseng Modimo setlhabelo se se gaisang sa ga Kaine, mme ka yona a newa tshupo ya gore o siame, ka Modimo o ne wa supa ka ga dineo tsa gagwe; mme le fa a sule, o sa ntse a bua ka yona.

5 Ke ka tumelo Henoge a tlositsweng gore a se bone loso; mme a se ke a bonwa, ka Modimo o ne o mo tlositse; mme e rile pele a ise a tlosiwe, a newa tshupo ya gore o kgatlhile Modimo.

6 Mme ga go kgonege go o kgatlha kwa ntle ga tumelo; gonne yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore o teng le gore ke ona moduedi wa ba ba o batlang.

7 Ke ka tumelo, fa Noa a ne a dira areka ka poifo-Modimo go pholosa ba lapa la gagwe, a sena go laelwa ke Modimo ka ga dilo tse di iseng di bonwe; ke ka yona a atlhotseng lefatshe, a nna morua-boswa wa tshiamo e e leng ka fa tumelong.

8 Ke ka tumelo Aborahame a neng a utlwa, jale fa a bidiwa go hudugela kwa lefatsheng le o tla le ruang go nna boswa, mme a huduga, a sa itse kwa a yang teng.

9 Ke ka tumelo, fa a ne a ya go jaka kwa lefatsheng le a le solofeditsweng, e ise e nne la gagwe, a nna mo ditenteng, a na le Isaka le Jakobe, barua-boswa nae ba yona tsholofetso eo;

10 gonne o ne a lebeletse motse o o nang le metheo, o morulaganyi le moagi wa ona e leng Modimo.

11 Ke ka tumelo, fa Sara a ne a newa thata ya go ka nna moimana, mme a belega a fetilwe ke dinyaga tsa teng, ka a ne a o ikanya o o mo solofeditseng jalo.

12 Mme ke ka moo go duleng bontsi mo go a le mongwe fela, yo e bileng a le mmele o o suleng, e le bontsi jo bo tshwanang le dinaledi tsa legodimo, le mošawa o o fa losing lwa lewatle, o o sa ka keng wa balwa.

13 Botlhe bao ba swetse mo tumelong, ba ise ba amogele tse ba di solofeditsweng, mme ba di bonetse kgakala, ba be ba di itumelela; e bile ba ipolela gore ke baeng le baeti mo lefatsheng.

14 Gonne ba ba buang jalo ba supa gore ba batla legae.

15 Mme kana fa ba ka bo ba ne ba raya lele le ba duleng mo go lone, ba ka bo ba bonye sebaka sa go boa.

16 Mme jaanong ba eletsa le le molemo bogolo, e bong la legodimo. Ke ka moo Modimo o sa ba tlhabelweng ke ditlhong go bidiwa Modimo wa bone; gonne o ba baakanyeditse motse.

17 Ke ka tumelo Aborahame a neng a ntsha Isaka setlhabelo, fa a lekwa; ene yo o ne a amogetse ditsholofetso, a isa motsalwa-nosi tlhabong;

18 ene yo o boleletsweng ga twe: “Losika lwa gago lo tla bidiwa ka Isaka;”

19 ka a gopotse gore Modimo o nonofile go ka tsosa le mo baswing; ke ka moo a mo amogetseng gape go nna sekao sa tsogo.

20 Ke ka tumelo, fa le ene Isaka a ne a tshegofatsa Jakobe le Esau a lebile tse di tlang.

21 Ke ka tumelo Jakobe e rileng a swa, a tshegofatsa bomorwa Josefa ka bobedi, a obamela Modimo a itshegeditse ka tlhogo ya thobane ya gagwe.

22 Ke ka tumelo Josefa e rileng a swa, a gopola khudugo ya Baiseraele, a laela ka ga marapo a gagwe.

23 Ke ka tumelo, fa Moše a ne a fitlhwa ke bagolo ba gagwe dikgwedi di le tharo, a sena go tsalwa, ka ba bona gore ke ngwana yo montle, mme ba se ka ba boifa taolo ya kgosi.

24 Ke ka tumelo Moše e rileng a sena go gola, a gana go bidiwa morwa morwadia Farao,

25 ka a ne a itlhophela go bogisiwa mmogo le morafe wa Modimo, bogolo go go ja monate wa boleo ka sebakanyana,

26 ka a kaya gore kgobo ya ga Keresete ke khumo e kgolo go feta mahumo a Egepeto; gonne o ne a lebile tuelo.

27 Ke ka tumelo a tlogetseng Egepeto, a sa boife bogale jwa kgosi; gonne o ne a itshwarelela ka yo o sa bonweng jaaka e kete o a mmona.

28 Ke ka tumelo, fa a ne a baakanya Tlolaganyo le tshaso ya madi gore mmolai wa batsalwapele a se ka a ba ama.

29 Ke ka tumelo ba kgabagantseng Lewatle le Lehibidu, jaaka e kete ke lefatshe le le omileng; ya re Baegepeto ba leka jalo, ba nwela.

30 Ke ka tumelo, fa dipota tsa Jerigo di ne tsa wa, di sena go dikologwa malatsi a supa.

31 Ke ka tumelo Rahabe wa seaka a se kang a bolawa mmogo le ba ba ganneng go utlwa, ka a ne a amogela batlhodi ka kagiso.

32 Mme ke sa ntse ke ka bua eng? Ke ne ke ka tlhaelelwa ke sebaka, fa nka bolela ka ga Giteone le Barake le Simesone le Ifetha le Dafita le Samuele le baporofeti

33 ba ba fentseng magosi ka tumelo, ba dirafatsa tshiamo, ba amogela tse ba di solofeditsweng, ba thiba magano a ditau,

34 ba tima bogale jwa molelo, ba falola mo bogaleng jwa tšhaka, ba thatafala mo bokoeng, ba nna bogale mo tlhabanong, ba fenya mephato ya merafe e sele.

35 Basadi ba busediwa baswi ba bone ka go tsosiwa; ba bangwe ba bogisiwa, ba sa amogele kgololo, e le gore ba tle ba bone tsogo e e molemo bogolo.

36 Ba bangwe ba boga ditshotlo le dipetso, ba be ba golegwa, ba tsenngwa dikgolegelong.

37 Ba kgobotlediwa ka majwe, ba raelwa, ba segaganngwa, ba bolawa ka tšhaka, ba kgarakgatshega, ba apere matlalo a dinku le a dipodi, ba tlhoka, ba pitlaganngwa, ba direlwa bosula;

38 e le batho ba lefatshe le sa tshwanelwang ke go nna le bone, ba kgarakgatshega kwa dikakeng le kwa dithabeng le mo dikgageng le mo dikgophung tsa naga.

39 Mme botlhe bao, le fa ba amogetse tshupo ka tumelo, ga ba a ka ba bona tse ba di solofeditsweng,

40 ka Modimo o ne o re akanyeditse se se molemo bogolo gore ba se ka ba fitlha botlalong kwa ntle ga rona.