JESAYA 33

Asiria o a otlwa

1 A tatlhego ya gago wee, wena mosenyi yo o sa senyediwang! A tatlhego ya gago wee, wena molotsana yo o sa direlwang ka bolotsana. E tla re o sena go senya, o senngwe ka wesi; e re fa o khutlile go dira ka bolotsana, ba go direle ka bolotsana.

2 Morena, re tlhomogele pelo! Re go letile. O nne letsogo la rona mo mesong yotlhe. Ee, o nne thuso ya rona mo sebakeng sa tlalelo.

3 Merafe e tshaba modumo wa loratla; fa o tsoga, ditšhaba di a phatlalala.

4 Mme thopo e tla phuthwa jaaka molome o phutha. Ba sianela teng jaaka tsie e siana.

5 Morenao godisitswe, gonne o agile kwa godimo. O tladitse Sione molao le tshiamo.

6 Go tla nna tlhomamo ya metlha ya gago, e leng khumo ya pholoso e e tletseng le botlhale le kitso. Go boifaMorenake lehumo la teng.

7 Bonang, diganka di goa kwa ntle. Barongwi ba kagiso ba lela ka bogalaka.

8 Ditsela di senya. Ga go na yo o fetang. O sentse kgolagano, a nyatsa basupi, a sa re sepe ka batho.

9 Lefatshe le hutsafetse, le a swaba. Lebanone o tlhajwa ke ditlhong, o a omelela. Leboa la Sarone ke naga fela. Basane le Karemele di tlhotlhoregile matlhare.

Morena o tlhagisa baba ba gagwe

10 “Jaanong ke tla ema,” go buaMorena. “Jaanong ke tla itlotla. Jaanong ke tla itshupa ke le mogolo.

11 Lo tla ithwala moko, lo belega dirite. Go budula ga lona ke molelo o o tla lo nyeletsang ka losi.

12 Merafe e tla nna matlapa a kalaka a a fisiwang; e tla nna ditlhare tsa mitlwa tse di remilweng tse di šwang mo molelong.

13 Ba lo kwa kgakala, utlwang se ke se dirileng! Ba lo gaufi, itseng thata ya me!”

14 Baleofi ba Sione ba tshogile. Teteselo e tshwere balotsana ba re: “Ke mang mo go rona yo o ka nnang fa molelong o o nyeletsang? Ke mang mo go rona yo o ka nnang fa dikgabong tse di sa khutleng?”

15 Yo o dirang ka tshiamo a bua nnete; yo o nyatsang khumo ya kgatelelo a tlhotlhora diatla gore di se ka tsa amogela thelesetso; yo o ithibang ditsebe gore a se ka a utlwa melato ya go tsholola madi; yo o budulatsang matlho gore a se ka a bona bosula, a kgatlhega.

16 Ke ene yo o tla agang mo mafelong a a godimo. Dikago tsa phemelo tsa mafika ke botshabelo jwa gagwe. Ke ene yo o fiwang dijo tsa gagwe. Metsi a gagwe ga a kgale.

Paka-isago e e monate

17 Matlho a gago a tla leba kgosi e le mo bontleng jwa yona; a bona lefatshe le le atlhameng.

18 Pelo ya gago e tla gakologelwa sebaka sa therego e re: “O kae yo o neng a bala madi? O kae yo o neng a lekanya ka sekale? O kae yo o neng a bala dikago tsa phemelo?”

19 Ga o kitla o tlhola o bona morafe o o matepe, morafe wa puo e e boteng e e sa utlwaleng, wa loleme lo lo koakoetsang lo lo sa tlhaloganngweng.

20 Leba Sione, motse wa meletlo ya rona! Matlho a gago a tla bona Jerusalema e le boago jo bo femetsweng, e le tente e e sa hudugeng, e dimapo tsa yona di sa tlhomolelweng ka go sa feleng, e dithapo tsotlhe tsa yona di sa kgaogeng.

21 Mme gona fooMorenao tla nna le rona e le yo o galalelang mo felong ga dinoka tse dikgolo; mme mekoro ga e ka ke ya tsamaya mo go tsona. Sekepe se segolo ga se nke se feta mo go tsona.

22 GonneMorenake moatlhodi wa rona;Morenake molaodi wa rona;Morenake kgosi ya rona. Ke ene yo o tla re pholosang.

23 Dithapo tsa gago di repile; ga di tshware kota ya diseile; ga di gagamatse masela. Foo ba tla abela khumo ya thopo e kgolo. Ditlhotsi di tla itseela se se thukhuthilweng.

24 Go tla bo go se na monni ope yo o reng: “Ke a lwala.” Gonne morafe o o agileng teng o itshwaretswe melato.