Puso ya ga Keresete
1 Bonang, kgosi e tla busa ka molao; dikgosana di tla laola ka tshiamo.
2 Mme mongwe le mongwe o tla nna jaaka botshabelo mo ledimong, le jaaka leobo mo puleng, le jaaka dinoka tsa metsi mo nageng e e omeletseng, le jaaka moriti wa lefika le legolo mo nageng ya lenyora.
3 Matlho a baboni ga a kitla a tlhola a fatlhega. Ditsebe tsa bautlwi di tla utlwelela.
4 Dipelo tsa ba ba makgakga di tla tlhaloganya kitso. Diteme tsa ba ba koakoetsang di tla bua sentle ka thanolo.
5 Lesilo ga le nke le tlhola le bidiwa letlhale. Molotsana ga a nke a bidiwa motlotlegi.
6 Gonne lesilo le bua bosilo. Pelo ya lone e loga maano a boithamako gore le dire tsa boikepo, le ganetseMorenaka tse di sokameng, le time yo o tshwerweng ke tlala, le tlhokise yo o bolawang ke lenyora metsi.
7 Dibolai tsa molotsana di bosula. O loga maano a a sokameng gore a senyetse babogisegi ka dipolelo tsa maaka, le fa mohumanegi a bua nnete fela.
8 Mme yo o pelontle o akanya tsa bopelontle, le gona o tla nna a emela tsa bopelontle.
Katlholo le tshiamiso
9 Lona basadi ba lo iketlileng, tsogang lo utlwe lentswe la me! Lona barweetsana ba lo tlhokomologang, sekegelang mafoko a me tsebe!
10 E tla re ngwaga o sena go feta le malatsi mangwe, lo tetesele, lona ba lo sa tshwenyegeleng sepe. Gonne go fula maungo a moweine go fedile; go phutha maungo a ditlhare ga go teng.
11 Roromang, lona basadi ba lo iketlileng! Teteselang, lona barweetsana ba lo tlhokomologang! Apolang gotlhe, lo apare diaparo tsa bohutsana.
12 Itshwareng diledu lo lelele masimo a mantle le moweine o o ungwang sentle,
13 le tshimo ya morafe wa me e e tlhogang mesu le ditshetlho; ee, lo lelele matlo otlhe a boitumelo le motse o o duduetsang.
14 Gonne matlo a borena a tlogetswe, modumo wa motse o fetogile tidimalo.
Thabana le serala sa ditlhodi e tla nna naga fela ka go sa feleng, fa diesele di itumelang teng, fa matsomane a fulang teng,
15 go fitlhelela rona re goromelediwe Mowa o o tswang kwa godimo. Foo sekaka se tla fetoga tshimo ya ditlhare tse di ungwang, mme tshimo ya ditlhare tse di ungwang e tla kaiwa sekgwa.
16 Mme molao o tla bo o agile mo sekakeng, tshiamo e tla nna mo tshimong ya ditlhare tse di ungwang.
17 Foo tiro ya tshiamo e tla nna kagiso; leungo la molao e tla nna boikhutso le boiketlo ka go sa feleng.
18 Morafe wa me o tla nna mo felong ga kagiso, mo matlong a a sireleditsweng, mo maikhutsong a boiketlo.
19 Mme sefako se tla na, fa sekgwa se digwa; motse o tla kokobelela fa fatshe.
20 Lo letlhogonolo, ka masimo otlhe a lona a le fa metsing, ka lo funolola maoto a kgomo le esele gore di itsamaele gongwe le gongwe.