Ka ga Tiro le Sitone
1 Taelo ya Modimo ka ga Tiro. Goang, lona mekoro ya Tharesise. Gobane motse oo o sentswe; ga go na ntlo, go tla kwa gae ga go teng. Ba itsisitswe jalo ba le kwa lefatsheng la Khithime.
2 Lo tla tlhoka puo, lona baagi ba lefatshe le le fa lewatleng! Barekisi ba Sitone ba ba tsamayang mo lewatleng ba ne ba tle ba go tsisetse dithoto tse dintsi.
3 Dijwalo tsa kwa Sigore, e bong kotulo ya noka ya Nile, di ne di tle di tsamaisiwe mo metsing a magolo; e ne e le papalo ya ona, wa nna marekelo a ditšhaba.
4 Tlhajwa ke ditlhong, wena Sitone, gonne lewatle le a bua, ee, kago ya phemelo fa lewatleng e bua e re: “Ga ke a segwa ke leralalo, ga ke a belega; ga ke a godisa makau le e seng makgarebe.”
5 E tla re Baegepeto ba utlwa ka ga tatlhego ya Tiro, ba rerege thata.
6 Tshelelang kwa Tharesise; goang, lona baagi ba lefatshe le le fa lewatleng!
7 A ke ona motse wa lona wa meduduetso o o neng wa agiwa bogologolo; o dinao tsa ona di o isitseng kwa kgakala go aga teng?
8 Ke mang yo o ikaeletseng tseo ka ga Tiro o o neng o rwesa dirwalo, o barekisi ba ona e neng e le barena; o babapadi ba ona e neng e le batlotlegi mo lefatsheng?
9 Morenawa masomosomo o di ikaeletse gore a itshepolole boikgodiso jwa bontle jotlhe, a tlotlolole batlotlegi botlhe ba lefatshe.
10 Ralala lefatshe la gago jaaka Nile, morwadia Tharesise; ga go tlhole go le kgoreletso epe.
11 Morenao otlololetse lewatle letsogo, a reketlisa magosi; a laola ka ga lefatshe la Kanana gore metse e e femetsweng ya lone e senngwe
12 a re: “O se ka wa tlhola o itumela, wena lekgarebe le le sentsweng, morwadia Sitone! Huduga o tshelele kwa Khithime. Mme le teng koo ga o nke o bona boikhutso.”
13 Bonang lefatshe la Kalatea! Ke morafe o o neng o se yo. Asiria o le theile go thusa mekoro; ba aga dikago tsa ditlhodi, ba senya matlo a borena a teng. Ene o le dirile naga ya marope.
14 Goang, lona mekoro ya Tharesise! Gonne kago ya phemelo ya lona e sentswe.
15 Ka sebaka seo Tiro o tla lebalwa dinyaga di le masome a supa go lekana le malatsi a kgosi e le nngwe. Mme morago ga dinyaga tse di somasupa, Tiro o tla dirafalelwa ka fa sefeleng sa seaka se se reng:
16 “Tsaya harepa, o ralale motse,
wena seaka se se lebetsweng;
letsa harepa sentle,
o opele dipina tse dintsi
gore o tle o gopolwe.”
17 E tla re dinyaga tse di somasupa di sena go feta,Morenaa tlhokomele Tiro; mme Tiro o tla boela mo kgwebong ya gagwe, a bapadisanya le dipuso tsotlhe tsa mafatshe tse di leng teng mo lefatsheng.
18 Mme papadi ya gagwe le kgwebo ya gagwe di tla itshepisediwaMorena, di sa phuthwe, di sa bolokwe; gonne khumo ya gagwe e tla direla ba ba agileng fa pele gaMorenagore ba je, ba kgore, ba apare tsa mokgabo.